GO SIRELETSA TSHEDIMOSETSO YA GAGO YA SEPHIRI – MAITLAMO A RONA

  1. TATA COMMUNICATIONS LE TSHEDIMOSETSO YA GAGO YA SEPHIRI
  2. TSELA YA GO IKGOLAGANYA LE RONA
  3. TSHEDIMOSETSO E RE E KOKOANYANG KA WENA LE KA FA RE E KOKOANYANG KA TENG
  4. RE DIRISA JANG TSHEDIMOSETSO KA WENA E RE E KOKOANTSENG?
  5. LEBAKA LA TIRISO ENO KE LEFE?
  6. RE NAYA BA BANGWE TSHEDIMOSETSO E RE E BONENG KA WENA FA GO RILENG
  7. GO ROMELA TSHEDIMOSETSO YA GAGO KWA DINAGENG TSE DINGWE
  8. KE NA LE DITSHWANELO DIFE FA GO TSENWA MO TSHEDIMOSETSONG YA ME?
  9. LE ILE GO BOLOKA TSHEDIMOSETSO YA ME LOBAKA LO LO KANA KANG?
  10. TSHIRELETSO YA TSHEDIMOSETSO
  11. DIPHETOGO MO LEKWALONG LENO LA DIPHOLISI

Tata Communications e tlotla tshedimosetso ya gago ya sephiri e bile e itlama go tlhomamisa gore go nna le thulaganyo e e maleba ya go sireletsa tshedimosetso ya gago. Re batla go latela melao yotlhe e e beilweng ga jaana e e malebana le tshireletsego, pabalesego le go bolokwa ga tshedimosetso ya gago e le sephiri. Mo Pholising eno ya Go Bolokwa ga Tshedimosetso e le Sephiri ( “Pholisi”), re tlhalosa ka fa re tsayang, re dirisang, re lotlegang e bile re sireletsang tshedimosetso ya gago ka gone. Re tlhalosa le ditshwanelo tse o ka nnang le tsone mabapi le tshedimosetso ka ga gago e e mo diatleng tsa rona.  Lekwalo leno la Dipholisi le amana le tshedimosetso ka ga gago e re ka e dirisang ka gonne o dirisa Wi-Fi Hotspot, o dirisa maranyane a kgolaganyo a koloi le/kgotsa ditirelo tsa (e)SIM tse di leng teng mo koloing ya gago ya Jaguar Land Rover ("JLR") ("Ditirelo").

Molawana o rulagantswe ka  tsela e eleng gore , wena sa gago ke go tobetsa mo mafelong a a kgethegileng a a supiwang fa tlase fano a a ka tswang a go kgatlha.

  1. TATA COMMUNICATIONS LE TSHEDIMOSETSO YA GAGO YA SEPHIRI
    1. Go sireletsa tshedimosetso ya gago ya sephiri ke selo se se botlhokwa mo go rona e bile ga re tshege mo ntlheng eno
    2. Re bo mang? Tata Communications (Netherlands) B.V ke yone e laolang le go okamela Ditirelo.  Fa re re “re”, kgotsa “rona” mo lekwalong leno la Dipholisi re raya setlamo seno se maikarabelo a sone eleng go bereka ka tshedimosetso ya gago, go e kokoanya le go e boloka.
    3. Tshedimosetso e nngwe e e malebana le tsela e re dirang ka teng ka tshedimosetso ya botho, o ka nna wa e newa mo ditumalanong tsa rona, dipolelo tsa dingwe tsa rona tsa tshedimosetso ya sephiri, kgotsa dikitsiso tse dingwe tse o di newang pele ga go tsewa  tshedimosetso ya gago kgotsa ka nako ya fa e tsewa. 
    4. Go dirisa ga gago Ditirelo tsa rona, le mathata ape ka tsela e re tshwarang ka yone tshedimosetso ya sephiri e tshwanetse go nna tumalanong le Lekwalo leno la Dipholisi, Melawana ya rona ya Ditirelo (tse di akareditsweng mo lekwalong leno la Dipholisi) le tumalano epe fela e e kwadilweng ya ditirelo gareng ga gago le rona kgotsa le motho ope fela yo o go neelang tshono ya go dirisa Ditirelo tsa rona.  
  2. TSELA YA GO IKGOLAGANYA LE RONA
  3. Fa o batla go botsa sepe fela mabapi le Pholisi eno le ka fa re sireletsang ka teng tshedimosetso kgotsa o batla go diragatsa ditshwanelo dipe fela tse o ka tswang o na le tsone malebana le tshedimosetso ya gago go ya ka molao, o ka dirisa serala seno sa go ithusa se se leng teng fano.

    Aterese ya rona ya poso fa o na le potso ke:

    Tata Communications (UK) Limited Legal Compliance – Data Protection and Privacy
    Vintners Place
      68 Upper Thames Street
    London, EC4V3BJ
    United Kingdom

    Kwa Germany, Singapore le India o ka ikgolaganya le Data Protection Officer ("DPO") ka go dirisa foromo ya ikgolaganyo ya rona e e fitlhelwang fano.

  4. TSHEDIMOSETSO E RE E KOKOANYANG KA WENA LE KA FA RE E KOKOANYANG KA TENG
    1. Re ka nna ra tsaya kgotsa ra amogela go tswa kwa JLR mefuta e e farologaneng ya tshedimosetso ka wena go ya fela ka fa o dirisang Ditirelo tsa rona ka teng.  Se se latelang ke tshoboko ya mefuta ya tshedimosetso e re ka e tsayang kgotsa ra e amogela.
      1. Tshedimosetso ka Akhaonto:
        1. Tshedimosetso ya go Ikgolaganya le Wena e e dirang gore re kgone go ikgolaganya le wena. Re bona tshedimosetso eno fa o otara kgotsa o ikwadisetsa go amogela nngwe ya Ditirelo tsa rona. Re tsaya kgotsa re amogela tshedimosetso mo go wena fa o ikwadisetsa Ditirelo tsa rona, o bula akhaonte ka enthanete, o reka, o kopa dintlha dingwe kgotsa o kopa gore re go leletse, o tsenya kopo ya go thusiwa ka tsa boteginiki, tsa moreki kgotsa tsa dituelo, o tsaya karolo mo kgaisanong kgotsa patlisisong, o re naya pegelo ka sengwe kgotsa fa o ikgolaganya le rona ka tsela nngwe. Mofuta wa tshedimosetso e re e tsayang e laolwa ke kafa o dirisanang le rona kgotsa le JLR ka teng, mme e ka akaretsa leina la gago, aterese, nomoro ya gago ya mogala (ya kwa tirong kgotsa ya gago ka namana), aterese ya imeile, aterese ya poso/ya dikoloto (ya kwa tirong kgotsa ya bonno), letsatsi la matsalo, nomoro ya sesupo ya sedirisiwa/koloi, letsatsi la tshimologo ya ditirelo, le tshedimosetso epe fela e e maleba jaaka ID kgotsa bosupi jwa kwa o nnang gone. Gore re nne le tumalano le wena, o tshwanetse go re neela tshedimosetso eno.
        2. Tshedimosetso ya Dituelo e e amanang le tirisano ya kgwebo le tsa madi jaaka ditirelo tse re go nayang tsone, dinomoro tsa megala tse o di leletsang kgotsa o di romelelang melaetsa, ka fa o dirisang Inthanete ka teng, ditempe tsa nako kgotsa tshedimosetso epe fela ya kafa o dirisang ka teng ditirelo tsa rona, hisitori ya ka fa o ntseng o duela ka teng, ya dikoloto tsa gago, dinomoro tsa credit card ya gago, nomoro ya gago ya boitshupo (fa molao o letlang teng, khouto ya gago ya tshireletso le hisitori ya gago ka tirelo eno.
      2. Tshedimosetso ya Botegeniki & ya Tiriso e e amanang le Ditirelo tse re di go neelang, go akaretsa le tshedimosetso ya gore o dirisa jang Ditirelo tsa rona. Dikai dingwe di akaretsa:
        1. Tshedimosetso ka Didirisiwa: Tshedimosetso e e amanang le, e bile e supa didirisiwa tse di mo netewekeng ya rona, e o ka nnang wa e dirisa kgotsa wa rakana le yone. Tshedimosetso eo e ka nna ya akaretsa e e tshwanang le mofuta wa didirisiwa, dilo tse di senolang sedirisiwa, seemo sa sedirisiwa, dinomoro tse di farologanyang sedirisiwa, diseting, mofuta wa tiriso le wa serweboleta.
        2. Go Bereka ga Neteweke & Tiriso: Tshedimosetso ka gore sedirisiwa se bereka jang, ditirelo le dithulaganyo tse o di dirisang mo netewekeng ya rona. Dikai tsa se di ka akaretsa lefelo le sedirisiwa se se sa golaganang le megala se leng gone (mo dinakong tse o dirisang mogala wa gago kwa lefatsheng le sele) le mofuta wa sone, fa go leditsweng mogala gone go kopa thuso mo maemong a tshoganyetso kgotsa mo maemong a go senyegelwa le ba ba founetsweng mmogo le letlha, nako, lobaka lwa founo, le ditshenyegelo tsa founo eo, gore go dirisitswe metsotso e le kae mo founong, direkoto tsa go founa le marang a go founa.  Re kokoanya gape tshedimosetso ka dituelo tsa kgokaganyo le ditiego, tshedimosetso e e amanang le ditirelo tsa go baya ditirelo leitlho o le kgakala le ditirelo tsa tshireletso, le tshedimosetso ka tsela e o dirisang ka yone ditirelo tsa rona tsa voice over internet protocol (VoIP) (go akaretswa ditirelo tse di sa rekiwang ka inthanete). 
    2. Re ka nna ra tsaya tshedimosetso e e fa godimo ka wena fa re ntse re tsweletse re go tlisetsa Ditirelo kgotsa re di tlisetsa mongwe yo o go neetseng tshono ya go bona Ditirelo tsa rona. Re ka nna ra amogela tshedimosetso eno ka ditsela tse di farologaneng, sekai:
      1. ka tlhamalalo mo go wena: sekai, fa o re neela tshedimosetso ya gago gore o kgone go bona Ditirelo tsa rona kgotsa o ikgolaganya le rona go botsa ka sengwe sa botegeniki.    
      2. ka go itiragalela fela: fa tshedimosetso ka wena e tswa fela ka ntlha ya gore o dirisa Ditirelo tsa rona.
      3. go tswa kwa bathong ba bangwe: nako tse dingwe re tsaya mefuta e e fa godimo ya tshedimosetso ka wena mo bathong ba bangwe  ba re ba tshepang, mabapi le Ditirelo tse re di go neelang kgotsa tse re akanyetsang go di go neela, fa go le maleba le fa eleng gore re bona go siame go dira jalo. Tse di akaretsa, modiri wa koloi ya gago, JLR, makalana a KYC/a thibelo ya bonweenwee, dikaedi tsa dikgwebo, go tlhodumela ka fa o ntseng o duela dikoloto tsa gago ka teng le makalana a a itebagantseng le go tsamaisa KYC le batlamedi ba re dirisanang le bone ba neteweke. 
  5. RE DIRISA JANG TSHEDIMOSETSO KA WENA E RE E KOKOANTSENG?
    1. Fa tlase fano re tlhalosa dingwe tsa ditsela tse re dirisang tshedimosetso ya gago ka tsone:
      1. Go go neela tshono ya go dirisa Ditirelo: Re laola kopo ya gago le go bona gore a o tshwanetswe ke go dirisa Ditirelo tsa rona. Se se akaretsa go tsaya dikgato tse di lebaneng mabapi le ditiragalo tse di seng ka fa molaong, KYC/bonweenwee, matshosetsi mo dithotong kgotsa mo babereking ba rona le go sa latele Melawana ya rona ya Ditirelo le/kgotsa melao e e mo tirisong mme gape le go dira tumalanong le ditlamego tsa rona tsa semolao le tsa tsamaiso. 
      2. Go go neela Ditirelo tse o di lopang: Se se akaretsa go buisana le wena le go go neela Ditirelo tse o di lopileng.
      3. Go tsamaisa diakhaonto le go go thusa go tsamaisa akhaonto ya gago sentle: Se se akaretsa go buisana le wena mabapi le ka fa o dirisang Ditirelo tsa rona ka teng, go tsibogela matshwenyego a gago, go go neela tshedimosetso epe fela e o e tlhokang, go tsibogela dithekete tsa tshegetso ya botegeniki, le go go neela ditirelo tsa tshegetso tsa moreki. 
      4. Go rulaganya dituelo & dikopo tsa tsone: Go bona le go rulaganya dituelo, mme se se akaretsa go tsaya kgato kgatlhanong le ditiragalo tsa bonweenwee le go dira tumalanong le ditlamego tsa rona tsa semolao le tsa tsamaiso. 
      5. Go sireletsa seriti sa neteweke ya rona: Sireletsa dilo, sireletsa tshedimosetso ka wena gore e se ka ya latlhega, ya senyega, ya utswiwa kgotsa ba bangwe ba e bona ba sa letlelelwa, thibela tlolo molao le bonweenwee, go sekisa batlola molao le go sireletsa pabalesego ya setsšhaba.
      6. Go laola neteweke ya rona: Go laola neteweke ya rona le ka fa o e dirisang ka teng. Se se akaretsa go laola tsela e tshedimosetso e fetang ka teng ka neteweke ya rona go tlhomamisa gore Ditirelo tse re di go neelang ke tsa boleng jo bo kwa godimo. 
      7. Dipatlisiso le tlhabololo ya Ditirelo tsa rona: Go tokafatsa Ditirelo tsa rona (le tsa ba re berekang le bone) le go tla ka tse disha re thusiwa ke dipalopalo mabapi le ka fa Ditirelo tsa rona di dirisiwang ka teng. 
      8. Tse di malebana le go ipapatsa: Go go romelela tshedimosetso ka Ditirelo tsa rona, ntle le fa o re fa taelo ya gore re se ka ra dira jalo. Fa re tshwanelwang ke go bona tumelelo ya gago gone go dira dilo tseno, o na le tshwanelo ya go gogela tumalano ya gago morago nako nngwe le nngwe ka go ikgolaganya le rona mo dinomoreng tse di supilweng mo lekwalong leno la Dipholisi. 
      9. Go dira tumalanong le ditlamego tsa semolao: Go kokoanya le go tshegetsa tshedimosetso ka wena fa molao o tlhoka jalo, sekai tshedimosetso ka gore o mang.
      10. Go tsibogela dikopo tse di tswang kwa banaledithata ba ba maleba le babolaodi: Re kgona go dirisa  tshedimosetso ka wena go araba dikopo tse di tswang kwa bathating ba ba tlhomamisang gore molao o a latelwa kgotsa bathati ba bangwe. Se se ka nna sa tlhoka gore re neye banaledithata tshedimosetso ka gore go ka ikgolagangwa le wena jang le/kgotsa ka fa o dirisang Ditirelo tsa rona ka teng kgotsa ra kganela, thibela kgotsa ra ama tsela e o dirisang ka yone Ditirelo tsa rona le tshedimosetso epe fela e e dirilweng ke tiriso ya Ditirelo tsa rona.
  6. LEBAKA LA TIRISO ENO KE LEFE?
    1. Mo kgaolong ya EU, lebaka la rona (kgotsa lebaka la semolao) la go bereka ka tshedimosetso ya gago le a farolagana go ya ka gore ke tshedimosetso ya mofuta ofe, kamano ya rona le tshedimosetso eno ya gago, mofuta wa Tirelo e o e newang, ditlhokego tse di beilweng  tsa semolao tsa lefatshe le Ditirelo di diriwang mo go lone kgotsa tshedimosetso ka wena e  go berekwang ka yone mmogo le mabaka a mangwe a mantsi.  Mabaka a semolao a go bereka ka tshedimosetso eno ke a a latelang, mme gone a tla nna a fetoga mo dinageng tse di farologaneng:
      1. Gore re kgone go dirisana le lona, batlamedi le bomphato mo kgwebong, gore re kgone go buisana le lona le go diragatsa dituelo le go dira gore lo kgone go amogela Ditirelo, re tshwanetse go bereka tshedimosetso ka wena go ya kafa  go tlhokegang ka gone gore re tsene mo tumalanong  le wena.
      2. Re bereka ka tshedimosetso ya gago go bapatsa le go rekisa go ya ka  tumelelo ya gago fa e tlhokegang teng e bile e bontshitswe jalo mo disaeteng tsa rona kana ka nako e go tsewang tshedimosetso ka wena, kgotsa go feta moo mo dilong tse di amang rona kafa molaong go bapatsa le go buelela dithoto le ditirelo tsa rona kgotsa go di tokafatsa kgotsa go di tlhabolola.   
      3. Re ikaegile ka  dilo tse di amanang le rona kafa molaong  go bereka ka tshedimosetso gore re kgone go sekaseka, go tlhabolola, go tokafatsa le go tiisa Ditirelo tsa maemo a ntlha, le go boloka pabalesego le seriti sa neteweke ya rona le dithulaganyo tsa rona. Gape re kgatlhegela go dirisa tshedimosetso ya gago mo dilong tse di amanang lego dira ditleleime tsa semolao, go dira tumalanong le molao o o beilweng go tsamaisana le mabaka a semolao le a tshekatsheko go ya kafa go tlhokegang ka gone. 
      4. Ka gore melao e e mo tirisong (go akaretsa melao ya dipuisano ka megala), ditaelo kgotsa dilo tse di amanang le setšhaba di tlhoka gore rona re dire jalo, jaaka go ikobela dithulaganyo tsa molao, bathati ba ba tlhokometseng go diragatswa ga melao kgotsa makgotla a a laolang kgotsa go thusa mo thibelong, temogong le katlholong ya tlolomolao.
      5. Fa o gana ka tshedimosetso epe e e lopiwang mo go wena, re ka nna ra retelelwa ke go go neela dingwe tsa ditirelo kgotsa dilo dingwe.
    2. Go ikaega ka dilo dingwe tse di re amang go ya kafa molaong: Re dirile diteko tsotlhe mo tshedimosetsong yotlhe e re berekang ka yone go ya ka dilo tse di amanang le rona go ya kafa molaong, tse re di tlhalositseng fa godimo. O ka bona tshedimosetso  ka diteko lefa e le dife tse dingwe tse re di dirang ka go ikgolaganya le rona o dirisa dintlha tse di tlhalosiwang mo lekwalong leno la Dipholisi.
    3. Mo mafatsheng otlhe a mangwe (ntle le EU kgotsa mo dinageng tse go dirang melao e e tshwanang le ya EU), lebaka la rona la go dirisa tshedimosetso ya gago le tla bo le theilwe mo tumelelong ya gago le mo go amogeleng ga gagwe Melawana ya Ditirelo le ya lekwalo leno la Dipholisi.
  7. RE NAYA BA BANGWE TSHEDIMOSETSO E RE E BONENG KA WENA FA GO RILENG
    1. Go ya ka tumelelo e o re neileng yone jaaka go ka tlhokega mo dinageng dingwe, re ka nna ra naya ba bangwe tshedimosetso ya gago kgotsa ra ba lotlegela yone kafa go tlhokegang ka gone ka mabaka a a tlhalositsweng fa godimo le jaaka go tlhalosiwa go ya pele fa tlase fano:
      1. Bomphato. Go ka nna ga direga gore re lotlegele bomphato ba rona tshedimosetso e re e tsayang mo go wena. Fa molao o letlang teng le ka tumelelo ya gago fa e go tlhokega jalo, bomphato ba rona ba ka nna ba dirisa tshedimosetso ka wena ka mabaka a a supilweng mo tokumenteng eno, go akaretsa le go go bapaletsa dithoto le ditirelo tsa bone.  Fa bomphato ba rona ba bereka ka tshedimosetso ya gago, ba leka go e sireletsa ka tsela e e tlhalosiwang mo lekwalong leno la Dipholisi.    Lenaane la bomphato ba rona le ka bonwa fano.
      2. Batlamedi ba Ditirelo ba Ditlamo Tse Dingwe. Re thapile ditlamo tse dingwe le batho ba bangwe go dira ditiro dingwe tse di botlhokwa gore re go tlisetse Ditirelo kgotsa go thusa mo mabakeng a a tlhalositsweng fa godimo. Dikai di akaretsa: go romela melaetsa, go rulaganya dituelo, go sekaseka ka fa o dirang ka teng ka dikoloto tsa gago le gore a o diragatsa se se batliwang mo go wena gore re kgone go go naya go dirisa Ditirelo, go sekaseka tshedimosetso, go tsamaisa dikamano tsa rona le moreki, le go dirisana le bomphato ba rona ba neteweke, ba re dirileng ditumalano le bone le baemedi, ba ba re direlang ditiro dingwe.  Ditlamo tse dingwe di akaretsa batlamedi ba bangwe ba re ka ba neelang tshedimosetso ya gago fa go tlhokegang teng gore re tlamele ka Ditirelo tsa rona kgotsa gore re go neye se o se kopileng kgotsa se o se otarileng, re diragatse ditirelo/diotara, re thuse bareki ba rona ka se ba se tlhokang le go ntsha dituelo ga reng ga tse dingwe.   Ditlamo tseno tse e leng batlamedi ba ditirelo ba kgona go bona tshedimosetso ya gago e ba e tlhokang go dira ditiro tsa bone mme ba ka seke ba e dirisetse mabaka ape a sele fa ba re direla dilo dingwe ka tshedimosetso ya gago.  Ka metlha fa re naya ditlamo tse dingwe tshedimosetso ya gago, re tlhomamisa gore ditumalano tsa ditlamo tse dingwe di kgona go sireletsa tshedimosetso ya gago ka tsela e e tshwanetseng.
      3. Thomelo ya Dilo Tsa Kgwebo. Fa go ka direga gore re tsewe ke setlamo se sengwe kgotsa re kopanngwe le sone, kgotsa fa go ka direga gore dithoto tsotlhe tsa rona di romelwe kwa setlamong se sengwe (e leng selo se se ka diregang fa kgwebo ya rona e wa mme re felelwa ke madi), re ka nna ra fetisetsa tshedimosetso ya gago kwa setlamong se sengwe. Gape go ka nna ga tlhokega gore re lotlege tshedimosetso ya gago pele ga re tsewa ke setlamo seo kgotsa re kopanngwa le sone, ka sekai re tshwanelwa ke go e lotlegela bagakolodi ba rona le bagakolodi bape ba bangwe ba setlamo se go ka diregang gore se reke setlamo sa rona. 
      4. Tshireletso ya Semolao le go Tsibogela Thulaganyo ya Semolao.Re ka nna ra lotlega tshedimosetso e re e bonang mo go wena gore re (i) dire tumalanong le molao o o leng mo tirisong, ditsamaiso tsa semolao, ditaelo tsa kgotla le ditlhokego tse dingwe tsa semolao kgotsa (ii) fa re dumela gore go ntsha tshedimosetso ka wena go a tlhokega go sireletsa ditshwanelo tsa rona, go sireletsa pabalesego ya gago kgotsa pabalesego ya bangwe, go tlhotlhomisa bonweenwee kgotsa go tsibogela dikopo tsa puso, go akaretsa makgotla a puso a a nang le dithata a a seng mo nageng e o nnang mo go yone, ka mabaka a a itebagantseng le pabalesego ya Setšhaba le/kgotsa tiragatso ya molao. Jaaka go supilwe fa godimo, tshedimosetso ya gago e re e kokoanyang e ka nne ya neelwa makgotla a puso a a nang le dithata kgotsa badiri ba puso ba tiragatso molao ka mabaka a supilweng fa godimo fa e le gore re dumela jalo, re na le tshepo, gore re patelesega go dira jalo, fa go na le mabaka a a utlwalang a a amang setšhaba gore re dire jalo kgotsa re tlamega go dira jalo go sireletsa dilo tsa rona tse di amanang le tsa kgwebo, tsa madi, tsa semolao, tse di amanang le serodumo sa rona kgotsa dilo tse dingwe tse di utlwalang e le fa re leka go dira dilo tumalanong le melao e e beilweng. 
      5. Go Naya ba Bangwe Tshedimosetso e e Kopantsweng le e go Timilweng Boitshupo Jwa Yone.  Re ka nna ra dirisa tshedimosetso ya gago go tlhama tshedimosetso e e kopantsweng le e go sa itsiweng kwa e tswang gone e re ka nnang ra e bolelela ditlamo di sele.   Ga go na ope yo o ka go lemogang mo tshedimosetsong eo e go sa itsiweng kwa e tswang gone.  Mo maemong mangwe re nna ra naya tshedimosetso ya gago leina le sele pele re e naya ditlamo tse dingwe gore re kgone go boa re e amanya le wena gape fa e sena go berekwa le go busetswa kwa go rona.  Le fa ditlamo tse dingwe di se kitla di kgona  go go lemoga ka tshedimosetso eo e e filweng leina le sele, rona re tla bo re ntse re kgona go go lemoga.  Re tsaya tshedimosetso e e filweng leina le sele jaaka e kete ke tshedimosetso ya mongwe le go tlhomamisa gore re e neela tshireletsego e e tshwanang fa re e naya ditlamo tse dingwe.
      6. Mo mafatsheng mangwe fela (sekai, la Japane kgotsa China): o re neela tumelelo ya gore re re neye ba bangwe tshedimosetso ya gago kgotsa dikarolo tsa ditlamo tse dingwe tse di thatamisitsweng mo tsetlaneng eno. 
  8. GO ROMELA TSHEDIMOSETSO YA GAGO KWA DINAGENG TSE DINGWE
    1. Fa re bone tumelelo ya gago jaaka fa go tlhokega mo mafatsheng mangwe, Tata Communications e ka nna ya romela tshedimosetso ka wena kwa mafatsheng a sele.   Ka go dira jalo, tshedimosetso ya gago e ka nna ya romelwa le go berekwa kwa makalaneng a mangwe a Tata Communications le/kgotsa ditlamo tse dingwe tse di sa amaneng le rona.
    2. Makalana otlhe a Tata Communications a saenetse tumalano e e tsenetsweng ke ditlhopha tsotlhe tsa setlamo seno e e berekang mo go romeleng tshedimosetso ya gago kwa ntle ga EU kgotsa go ya kwa mafatsheng a sele a one a sa sireletseng tshedimosetso ka selekanyo se se lekanyeng go ya ka melao e e latelwang.  Lenaane la bomphato ba rona le mafelo a ba mo go one le ka bonwa fano.Tumalano eno e theilwe mo ditsetlaneng tse di tlwaelegileng tsa tumalano tsa Khomishene ya EU (mme ka gone e le tse di tlamang gore tshedimosetso ya gago e e tshwanang le e e ntshitsweng mo EU e nne le selekanyo se se tshwanang sa tshireletso).  Ka go dira jaana re tlhomamisa gore tshedimosetso ya gago e sireleditswe ka selekanyo se se tshwanetseng fa re e romelela bomphato ba rona, gongwe le gongwe kwa ba leng teng.   O ka bona khopi ya ditsetana tseno ka go ikgolaganya le rona.
    3. Fa re naya ditlamo tse dingwe tse di sa amaneng le Tata Communications Group tshedimosetso ya gago, re tlhoka gore ditlamo tse dingwe tsotlhe tseno di totle go sireletswa ga tshedimosetso eo le go e tshola ka tsela e e tsamaelanang le melao e e mo tirisong ya go sireletswa ga tshedimosetso.   [India fela: Gape re tlhomamisa gore bobotlana, ditlamo tse dingwe di latele selekanyo se se tshwanang sa go sireletswa ga tshedimosetso, jaaka fa rona re go naya yone.] Fa re kopang ditlamo tse dingwe tse e leng batlamedi ba ditirelo gore ba bereke ka tshedimosetso ya gago mo boemong jwa rona, ga re ba letle go dirisa tshedimosetso eo ya gago go dira dilo tsa bone mme re ba letla go bereka ka yone go dira dilo tsa rona tse re di tlhalositseng sentle le go ya ka ditaelo tsa rona.  Fa re simolodisa tirisano eno, re tla tlhomamisa gore tshedimosetso ya gago e sireletswa sentle re dirisa mokgwa wa go romela tshedimosetso o o tsamaisanang sentle le tshedimosetso eo le dinaga tse tshedimosetso ya gago e ka nnang ya romelwa kwa go tsone.  Fa molao o re letlelelang teng, mokgwa ono o ka nna wa akaretsa: tiriso ya ditsetlana tsa tumalano tse di letleletsweng mo EU; go tlhomamisa gore moamogedi o diragaditse Melawana E E Tlamang ya Dikgwebo e e dumeletsweng ke EU e e laolang ka fa tshedimosetso ya gago e romelwang ka teng go sele; kgotsa (mo US) ke Privacy Shield Certified (EU le Swiss Privacy Shield); kgotsa go rurifatsa  gore lefatshe le moamogedi a nnang kwa go lone le rurifaditswe gore le kgona go sireletsa tshedimosetso ya motho ka EU.  
    4. Mo mafatsheng a a maleba fela (sekai, Mexico, Russia, China, le Argentina): Ka go dirisa Ditirelo, o dumela ka tsela e e bonwang ke botlhe gore tshedimosetso ya gago e ka romelwa kwa mafatsheng a a sa tlhabologang kwa tumelelo ya gago e tlhokegang teng.
  9. KE NA LE DITSHWANELO DIFE  FA GO TSENWA MO TSHEDIMOSETSONG YA ME?
    1. Go ya ka melao ya mafatshe a le mantsi, o na le ditshwanelo dingwe mabapi le tshedimosetso ya gago e re e tshwereng mme re totla le go lemoga ditshwanelo tseno.  Ditshwanelo tseno di ka nna tsa akaretsa ditshwanelo tsa go botsa: re botse gore o rurifatse gore a tota re bereka ka tshedimosetso ya gago,  re kope khopi ya tshedimosetso ya gago  (go akaretsa le tshedimosetso ya gore re naya mang tshedimosetso ya gago) ; go baakanya, sutlha kgotsa kganela (go emisa e e tirisong) go dirisiwa ga tshedimosetso ya gago; go kganela tiriso le go ntshiwa ga tshedimosetso ya gago; le go re kopa go naya ba bangwe tshedimosetso ya gago, yo o tshwanang le motlamedi yo mongwe wa ditirelo tsa mafaratlhatlha a puisano(fa eleng gore tshwanelo eno e teng mo molaong o o mo tirisong).
    2. Mo godimo ga moo, mo dinageng dingwe, o ka nna wa gana  go dirisiwa  ga tshedimosetso ya gago mo maemong mangwe (thatathata fa eleng gore ga re tlhoke go bereka ka tshedimosetso gore re kgone go dira se se neng se batliswa ke melao ya tumalano kgotsa e mengwe ya semolao, kgotsa fa re dirisang tshedimosetso go ipapatsa ka tlhamalalo).  Fa go le maleba, o kgona gape go gogela morago  tumelelo e o re e fileng ya gore re ka dirisa tshedimosetso ya gago le go kopa tshedimosetso ya gore go se ntshe tumelelo eno go ka nna le diphelelo dife.
    3. Ditshwanelo tseno di ka nna tsa bo di lekanyeditswe, sekai fa e ka re mo go go neyeng se o se batlang re feleletsa re ntshitse tshedimosetso ka motho yo mongwe, fa ditshwanelo tseno di tla tsenelelelang mo ditshwanelong tsa setlamo se sele kgotsa motho o sele (go akaretsa le ditshwanelo tsa rona) kgotsa fa o re kopa go sutlha tshedimosetso e e eleng gore re tlamega ka molao go e tshegetsa kgotsa e eleng gore re na le mabaka a a utlwalang a a re patleletsang go e bloka.
    4. Go diragatsa epe ya ditshwanelo tse, go ntsha matshwenyego ape fela ka ditsamaiso tsa rona tsa khupamarama, kgotsa go bona tshedimosetso e nngwe, o ka ikgolaganya le rona bona tshedimosetso e o ka ikgolaganyang le rona ka yone fa godimo.  Australia fela: Re tla sekaseka lekwalo la gago ka keletlhoko le go le tsibogela mo sebakeng se e ka  nnang malatsi a le 30 o sena go re kwalela.  
    5. Fa o na le matshwenyego a a sa rarabololwang, o ka nna wa nna le tshwanelo ya go ngongorega mo bathating ba ba tshireletso ya tshedimosetso ba ba maleba mo gaeno.  Lefa go ntse jalo tsweetswee re kopa gore o ikgolaganye le rona pele ga o tlhagisa ngongorego ya gago ka gore re ka rata go newa sebaka sa go tlhotlhomisa le go itebaganya le matshwenyego a gago pele.  
  10. LE ILE GO BOLOKA TSHEDIMOSETSO YA ME LOBAKA LO LO KANA KANG?
    1. Re tshwara tshedimosetso ya gago lobaka lo loleele go ya kafa molao, taolo, lekgeto kgotsa melao ya go bolokwa ga diakhaonto kgotsa melawana epe ya puso e re ka tswang re bereka ka yone e batlang ka gone e bile/kgotsa e seng go feta moo.   Gape re sutlha kgotsa re dira gore go se ka ga itsiwe gore tshedimosetso ke ya ga mang tumalanong le melao epe e re ka tswang re bereka ka yone.
    2. Mo go sa tlhalosiwang gone gore tshedimosetso e bewe lobaka lo lo kana kang, re ipeela lobaka lo tshedimosetso e ka bolokwang ka lone ka go lebelela: gore tshedimosetso e e mo direkotong tseo e kana kang, ke ya mofuta mang le gore e masisi  go le kana kang; gore fa e ka dirisiwa go sa tshwanela kgotsa ya bolelelwa ba ba sa tshwanelang e ka nna kotsi go le kana kang; gore tshedimosetso eo ya motho re e dirisa ka mabaka afe le gore a re tla kgona go fitlhelela boikaelelo joo ka ditsela tse dingwe.
    3. China fela:tshedimosetso ya gago e ka bolokwamo mafatsheng a eleng gore re romela tshedimosetso kwa go one go ya ka tsetlana 7 e e fa godimo.  
  11. TSHIRELETSO YA TSHEDIMOSETSO
    1. Re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go sireletsa tshedimosetso yotlhe ya gago le go babalela tshedimosetso ya go nna jalo gore e se ka ya dirisiwa botlhatswa, go se ka ga nna le ba ba tsenatsenanang le yone le gore e se ka ya latlhega le gore e se ka ya tsewa, ya kopololwa, ya bonwa, ya fetolwa kgotsa ya lotlegwa go sa tshwanela.
    2. Re beile melao e e utlwalang (e e akaretsang e ebonalang, ya maranyane le ya tsamaiso) e e diretsweng go thusa go sireletsa tshedimosetso ya gago e re e kokoanyang go tswa mo disaetseng tsa inthanete. Lefa go ntse jalo, ga go na melao epe ya go sireletsa e e senang diphoso, ka jalo re ka se go tlhomamisetse gore tshedimosetso ya gago e re e kokoanyang e ka se bonwe ke ope kgotsa e dirisiwe ka tsela e e sa letlelelwang, e leng selo se eleng gore se ka diragala go sena se re ka se dirang. Re tlhomile ditsamaiso tse di tla berekanang le maemo a fa re belaela gore mongwe a ka tswa a dirile sengwe se se sa tshwanelang ka tshedimosetso ya gago, mme re tla go itsise wena le bathati bape fela ka seno fa molao o batla gore re dire jalo.
    3. Ditsamaiso tse re di tlhomileng go sireletsa tshedimosetso ya gago ke tse di latelang:
      1. Go di disa ka mmele, mo go akaretsang: go laola gore ke bomang ba ba tla newang tetla ya go tsena mo mafelong a dikhomphiutha le  a polokelo ya tshedimosetso; 
      2. Tsamaiso, mo go akaretswang: go diragatswa ga lenaneo la tshireletso ya tshedimosetso le go ruta badiri ka se ba tshwaneteng go se dira nako le nako;
      3. Melao e e amanang le dilo tsa maranyane, mo go akaretsang: go laola ba ba tla kgonang go tsena mo tsamaisong ya go bereka ka tshedimosetso le go tsenngwa ga thulaganyo e e tla laolang ba ba ka kgona go go tsena le go tsenya thulaganyo ya tshireletso;
      4. Batho fela ba ba tla letlwang go tsena mo thulaganyong ya go bona tshedimosetso ya botho ke ba go leng botlhokwa gore ba itse gore ba dire dilo tsa kgwebo.
      5. Ba ba tla kgonang go bona tshedimosetso e tla nna fela ba le mmalwa thata ba ba nang le tshiamelo ya go dira tiro.  Ba tla newa ditshwanelo tseno go ya ka mofuta wa tiro e ba e dirang;
      6. Tshwanelo ya go  bona tshedimosetso e tshwanelwa ke go dumelelwa ke batho ba ba kgonang go tlhalosa melao e e batlegang pele ga go ntshiwa ditetla; le
      7. Badirisi botlhe ba tla fiwa sesupo se se ba tlhaolang pele ba ka letlelelwa go bona tsamaiso ya thulaganyo,, tshedimosetso ya motho kgotsa tshedimosetso e nngwe e e masisi. M godimo ga moo, badirisi botlhe ba tshwanetse go rurifadiwa ka go nna le dikhunololamoraba.
  12. DIPHETOGO MO LEKWALONG LENO LA DIPHOLISI

    Go tlhomamisa gore ka metlha o itse gore re dirisa jang tshedimosetso ya gago, re tla nna re ntšhwafatsa lekwalo leno la Dipholisi le le mo inthanete nako le nako gore le bontshe diphetogo dipe tse di dirilweng malebana le tsela e re dirisang ka yone tshedimosetso ya gago. Gape re ka nna ra dira diphetogo gore re tsamaisane le diphetogo tse di dirilweng ke molao kgotsa bolaodi. Fa go kganagalang teng, re tla go itsise ka ditsela tse dingwe pele ga diphetogo tse di go amang di diragadiwa, ditsela tse di jaaka go kwala mo mo disaeteng tsa rona tsa inthanete kgotsa go go romelela tlhagiso. Go ya ka selekanyo se molao o batlang re dira jalo ka sone, re tla batla go bona tumelelo ya gago pele re diragatsa diphetogo tseo. Lefa go ntse jalo, re go rotloetsa go sekaseka lekwalo leno la Dipholisi nako le nako gore lo nne lo itse ka diphetogo dipe fela tse di mabapi le ka fa re dirisang tshedimosetso ya gago ka teng.